Jeremiah 8:10 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ke gone ka moo basadi ba bone ke tlaa ba naya ba sele, le masimo a bone ke tlaa a naya ba ba tlaa a ruang fela; gonne mongwe le mongwe, go simologa ka yo mmotlana go ya kwa go yo mogolo, o ineetse mo bopelotshetlheng, go simolola ka moperofeti le go ya moperesiting, mongwe le mongwe o dira ka tsietso.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ki gona ki tla naeañ basari ba bona ba sele, le maota a bona ba ba tla a ruañ: gone botle ba botlana le bagolu ba rata timano, moñue le moñue a tsietsa go simolola ka moperofeti go ea kua moperisetiñ.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka gona ka tla nea basadi ba bona go ba bangwe, le dinaga tsa bona go bao ba tlago go ba bea, go tloga go moporofeta go ya go moperisita yo mongwe le yo mongwe o bolela maaka.
Tswana Setswana 1970
Ka moo ke tla neela ba bangwe basadi ba bone le bathopi masimo a bone. Gonne botlhe ba rata kgwebo ya tshiamololo, ba bannye le ba bagolo; baporofeti le baperesiti le bone ba tsietsa botlhe.