Job 1:4 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Bomorwawe ba ne ba tle ba ye go dira modiro mo ntlong ya mongwe le mongwe ka letsatsi la gagwe; mme ba rome ba ye go bitsa bokgaitsadia bone ba bararo, gore ba tle go ja le go nwa nabo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi bomoroaue ba riha meletlo mo matluñ a bona, moñue le moñue ka tsatsi ya gague, mi ba roma ba bitsa bokhantsaria bona ba teri, go ya le go noa nabo.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Barwa ba gagwe ba ya le ba dira monyanya ka ntlong ya yo mongwe le yo mongwe ka letsatsi la gagwe; a roma dikgaetsedi tsa gagwe tse tharo gore di je le go nwa le tsona.
Tswana Setswana 1970
Bomorwawe ba ne ba tle ba direlane meletlo mongwe le mongwe mo lapeng la gagwe ka letsatsi la gagwe; le gona ba rome, ba laletse bokgaitsadia-bone ba bararo gore ba je, ba nwe nabo.