Job 2:10 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme a raya mosadi a re: “O bua jaaka mongwe wa basadi ba ba dieleele a tle a bue. Wa reng? A re tlaa amogela molemo mo seatleng sa Modimo, mme re se ke re amogele bosula?” Mo go tse tsotlhe Jobe ga a ka a leofa ka molomo wa gagwe.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a mo raea, U bua yaka moñue oa masilo a bua. A re tla cula molemo mo atleñ sa Morimo, mi a ga re kitla re cula boshula? Yobe a si ka a leoha go tseuo cotle ka pounama tsa gague.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Eupsa yena a re go yena: “O bolela bjalo ka ge yo mongwe wa basadi ba ditlaela a bolela.” Eng? na re tla amogela tse botse diatleng tsa Modimo, e sego tse mpe? Go tse ka moka, Jobe ga se a ka a dira sebe ka melomo ya gagwe.
Tswana Setswana 1970
Mme a mo raya a re: “Le wena o bua jaaka mongwe wa basadi ba e leng dieleele. A re ka amogela tse di molemo mo Moreneng, mme tse di botlhoko tsona re a di gana?” Mo go tsotlhe tseo Jobe a se ka a leofa ka molomo wa gagwe.