John 11:54 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ke gone Jesu ga a ka a tlhola a tsamaya mo ponong mo Bajuteng, mme a tswa teng a ya kwa lefatsheng le le tshwaraganyeng le naga fela, kwa motseng o o bidiwang Eferaime; a ya a tlholatlhola teng le barutwa ba gagwe.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ka mouo Yesu a si ka a tlola a tsamaea mo Bayudiñ mo pepeneneñ; mi a coa gona, a ea kua hatsiñ ye le gauhe le gareganaga, kua motseñ o o birioañ Eferaima; mi a na gona le barutoa ba gague.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme Jesu a khutlisa dithuto tsa gagwe mme a tswa mo Jerusalema, a ya kwa lotshitshing lwa sekaka, kwa motseng wa Eferaima; mme a nna teng le barutwa ba gagwe.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Jesu o be a se sa sepela pepeneneng gare ga Bajuda; eupsa a tloga moo a ya nageng ya kgauswi le leganateng, a ya motseng wo o bitswago Efuraime, a dula moo le barutiwa ba gagwe.
Tswana Setswana 1970
Ka lebaka leo Jesu a se ka a tlhola a tsamaya mo ponong ya Bajuta; a tloga teng a ya kwa nageng e e gaufi le sekaka, kwa motseng o o bidiwang Eferaime, a nna teng le barutwa ba gagwe.