John 12:34 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Foo batho ba bantsi ba mo fetola ba re: “Re utlwile mo molaong fa Keresete a nnela ruri ka bosakhutleng; o bua jang, wa re, Morwa Motho o na le go tlhatlosiwa? Morwa Motho yo ke mang?”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Bontsi yoa mo araba, Re utluile mo molaoñ, ha Kereste a nna ka bosina bokhutlo; mi ua reñ, ka u re, Moroa mothu o cuanetse go tlatlosioa? Moroa mothu eo emañ?
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Bontsintsi jwa botsa jwa re, “Go swa? Re utlwile gore Mesia o tlaa tshela ka bosakhutleng mme ga a kitla a a swa. Ke eng fa o re o tlaa swa? O bua kaga. Mesia ofe?”
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Lesaba la mo fetola la re: Re kwele go tswa molaong gore Keresete o dula go ya go ile; o re bjang: Morwa wa motho o swanetse go phagamiswa? morwa wa motho yo ke mang?
Tswana Setswana 1970
Batho ba mo fetola ba re: “Re utlwile mo molaong gore Keresete o tla nna ka bosakhutleng; mme o raya jang fa o re: ‘Morwa-Motho o tshwanetse go tlhatlosiwa’? Morwa-Motho yoo ke mang?”