John 13:1 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jaana e rile pele ga modiro wa Tlolaganyo, Jesu ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo fitlhile, lwa go tswa mo lefatsheng leno a ya go Rara, e re ka a ratile ba gagwe ba ba mo lefatsheng, a ba ratela ruri go ya bokhutlong.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
MI yana pele ga moriho oa Tlolaganyo, ka Yesu a itse oura oa gague o tlile, ha a tla coa mo hatsiñ ye, a ea go Rara ka ona, ka a la a rata ba gague ba ba mo hatsiñ, a ba rata le kua boheloñ.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Jesu o ne a itse mo maitseboeng a tsatsi la Tlolaganyo gore ke bosigo jwa gagwe jwa bofelo mo lefatsheng pele ga a boela kwa go Rraagwe. Erile go jewa dijo tsa maitseboa Diabolo a bo a setse a feditse mogopolo wa ga Judase Isekariota, morwa Simone, gore jo ke bosigo jwa gore a dirise leano la gagwe la go oka Jesu. Jesu o ne a itse gore Rara o mo neetse sengwe le sengwe le gore o ne a tswa kwa Modimong le gore o tlaa boela kwa Modimong. Le ka fa a neng a rata barutwa ba gagwe ka teng!
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Pele ga monyanya wa Paseka, Jesu a tseba gore nako ya gagwe e fihlile ya gore o tlo tswa lefaseng le go ya go Tate, ka ge a be a rata batho ba gabo bao ba bego ba le lefaseng, o ile a ba rata go fihla bofelong.
Tswana Setswana 1970
E rile Jesu a itse pele ga moletlo wa Tlolaganyo gore nako ya gagwe e tsile ya go tloga mo lefatsheng leno le go ya kwa go Rara, a rata ba gagwe ba ba mo lefatsheng ka botlalo, ba a ne a ntse a ba rata.