John 19:13 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
E rile Pilato a utlwa mafoko a, a ntshetsa Jesu kwa ntle, mme a dula mo setulong sa tshekelo, mo felong fa go tweng, Bophaphato jwa Matlapa, mme mo puong ja Sehebere, go twe Gabatha.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ga na ka Pilato a sina utlua huku yeuo a ntsetse Yesu kua ntle, mi a lula mo seruloñ sa tsekisho, mo heloñ go birioa Matlapa, mi go birioa Gabata mo puoñ ea Seheberu.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Erile Pilatwe a utlwa mafoko a, a ntshetsa Jesu kwa ntle gape kwa go bone mme a nna mo setilong sa tshekelo mo bonnong jo bo dirilweng ka matlapa.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ge Pilato a ekwa lentsu le, a tlisa Jesu pele lea dula sedulong sa kahlolo lefelong leo le bitswago lepatlelo, eupsa ka Gabbata ya Seheberu.
Tswana Setswana 1970
Ya re Pilato a sena go utlwa lefoko leo, a ntshetsa Jesu kwa ntle, a nna mo sedulong sa katlholo mo felong fa go bidiwang Bodilo jwa matlapa, ka Sehebere go twe: “Gabatha”.