John 19:31 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme e re ka e le lobaka lwa Iketleetso, Bajuta ba lopa Pilato gore maoto a bone a rojwe, mme ba tlosiwe, gore ditoto tsa bone di se ka tsa nna mo mekgorong ka Sabata, gonne letsatsi leo la Sabata e ne e le letsatsi le legolo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Eriha gona Bayuda ba rapelañ Pilato, gore memo ea bona e royoe, gore mebele ea bona e si ne mo mokhoroñ ka tsatsi ya sabata; gone e le le iketleco, mi sabata seuo e le le tsatsi ye legolu.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Baeteledipele ba Sejuta ba ne ba sa rate gore batho ba ba bapotsweng ba nne foo go fitlhelela letsatsi le le latelang, le e neng e le Sabata (le gone e le Sabata yo mogolo thata, gonne e ne e le Tlolaganyo) mme ba kopa Pilatwe go laola gore maoto a banna bao a rojwe go re ba swe ka bonako, le gore mebele ya bone e tle e folosiwe.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Bajuda ka ge e be e le go lokisetsa gore ditopo di se dule sefapanong ka letsatsi la Sabatha, (gobane letsatsi leo la Sabatha e be e le letsatsi le le phagamego), Pilato o ile a kgopela gore marapo a bona a robje lea tsewe.
Tswana Setswana 1970
Jaanong e re ka e le letsatsi la iketleetso, Bajuta ba kopa Pilato gore memomo ya bone e rojwe, mme ba pagololwe gore direpa di se nne mo difapaanong ka Sabata; gonne letsatsi la Sabata yoo e ne e le le legolo.