John 19:5 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Foo Jesu a tswa, a rwele serwalo sa mitlwa, a apere kobo e e bohibidu jo bo mokgona. Mme Pilato a ba raya a re: “Bonang, monna ke yo!”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Eriha gona Yesu a coelañ kua ntle, a roele seroalo sa mitlua, le aparo sa porepura; mi Pilato a ba raea, Bonañ monona!
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme Jesu a tswela kwa ntle a rwele serwalo sa mitlwa a bile a apere seaparo se se bohibidu jo bo mokgona. Mme Pilatwe a re, “Bonang monna yo!”
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ke moka Jesu a tswa a apere mphapahlogo wa meetlwa le kobo ya mmala o mophepolo. Pilato a re go bona: Monna yoo ke gona!
Tswana Setswana 1970
Ke fa Jesu a tswela kwa ntle, a rwele serwalo sa mitlwa, a apere kobo e khibidu. Pilato a ba raya a re: “A motho! Bonang, motho!”