John 2:15 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
A tshopha senteo sa megala, a di lelekela tsotlhe kwa ntle ga tempele, dinku le dikgomo; le madi a ba ba a ananyang a a goromeletsa fa fatshe, le dimati tsa bone a di pitikolola;
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi o rile a sina riha sebeco sa linti, a ba khueletsa kua ntle ga tempela botle, le cona liñku, le likhomu; mi lireko tsa baananyi a li culolela kua ntle, le limati a li pitikolola.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Erile Jesu a bona go dirwa jalo a loga seiteo sa megala, a ba lelekela kwa ntle le dinku le dipelesa, a gasagasa madi a baananyi mo bodilong, a pitikolola ditafole tsa bone!
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Leka morago ga ge A dirile leuba la dithapo, A ba raka ka moka ka tempeleng, le dinku le dikgomo; a lahlela tshelete ya baananyi ba tshelete lea phekgola ditafola;
Tswana Setswana 1970
Ya re a sena go dira seitei ka megala, a ba kobela kwa ntle ga Tempele botlhe, le tsona dinku le dikgomo; madi a baananyi a a tshololela fa fatshe, le dipati a di menola.