John 21:20 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Petere a retologa, a bona morutwa yo Jesu o mo ratang a ba setse morago; e bong ene yo o neng a ikaega mo sehubeng sa gagwe, jale ka go jewa selalelo, a ba a bua a re: “Morena yo o go okang e mang?”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ka Petero o retologa, a bona morutoa eo o ratoañ ki Yesu a sala morago; eo ki ena eo o la a ikaegile ha sehubeñ sa gague mo selaleloñ, a re, Morena, emañ eo o tla gu okañ?
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Petere a retologa mme a bona morutwa yo Jesu o mo ratang a mo setse morago, ene yo a neng a le fela fa dijong ka nako ele gotla go botsa Jesu a re, “Morena, ke ofe wa rona yo o tla go okang?”
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ge Petere a retologa, a bona morutiwa yo a bego a rata Jesu a latela; yo le yena a ilego a ithekga ka letswele la gagwe nakong ya dijo lea re: Morena, ke mang yo a go ekago?
Tswana Setswana 1970
Ya re Petoro a retologa, a bona morutwa yo Jesu a mo ratang, a ba setse morago, ene yo o neng a rapame fa sehubeng sa gagwe mo selalelong, a ba a re: “Morena, ke mang yo o go tshwarisang?”