John 4:46 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme a tloga a ya gape kwa Kana wa Galilea, kwa o fetotseng metsi bojalwa jwa mofine teng. Ga bo go le motho mongwe wa kgosana, yo morwawe o lwalang kwa Kaperenaume.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi yalo Yesu a ba a tla kua Kana oa Galilea, kua o la a hetola metse boyaloa gona. Mi gabo gole molaori moñue, eo moroaue o la a bobola mo Kaperenama.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mo lobakeng lwa loeto lwa gagwe a raletse Galalea, o ne a goroga mo motseng wa Kana kwa a neng a kile a fetola metsi mofine teng. Erile a sale teng koo, monna mongwe mo motseng wa Kaperenama, yo e neng e le kgosana, yo morwawe o neng a lwala thata, a utlwa gore Jesu o boile kwa Judea jaanong o mo Galalea. Monna yo a ya kwa Kana, a fitlhela Jesu, mme a kopa gore a ye le ene kwa Kaperenama go ya go fodisa morwawe yo a neng a le fa gare ga loso le botshelo.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ke moka Jesu o ile a boela Kana kua Galilea, moo a ilego a fetosa meetse beine. Go be go na le mohlomphegi yo mongwe yo morwa wa gagwe a bego a babja kua Kaperenaume.
Tswana Setswana 1970
Jaanong Jesu a fitlha gape kwa Kana wa Galelea, kwa a kileng a fetola metsi weine teng. Ga bo go le tona ya kgosi, e morwaa-yona a neng a lwala kwa Kaperenaume.