John 6:2 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Bontsi jo bogolo jwa batho jwa mo latela, ka ba bonye ditshupo tse o di dirileng mo go ba ba lwalang.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi bontsi yo bogolu yoa mo latela, gone bo bonye cupo tsa gague tse o ri rihileñ mo baboboriñ.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme bontsi jo bogolo jwa batho, jo bontsi jwa bone e neng e le batsamai ba ya Jerusalema kwa moletlong wa Tlolaganyo, ba bo ba mo setse mo-rago gongwe le gongwe kwa a yang teng, go mmona a fodisa balwetse. Mme erile Jesu a sena go tlha-tlogela mo thabeng a nna fa fatshe, barutwa ba gagwe ba mo dikaganyeditse, mme a tloga a bona bontsi jo bogolo jwa batho bo tlhatloga thaba bo mo senka. Hong a retologela kwa go Filipo a mo raya a re, “Filipo, re ka reka senkgwe kae go fa batho ba botlhe?”
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Lelesaba le legolo la mo latela, ka baka la gore ba bone mehlolo ya Gagwe ye a e dirilego go balwetsi.
Tswana Setswana 1970
Bontsi jo bogolo jwa batho jwa mo latela, ka ba bonye ditshupo tse a di dirileng mo balwetseng.