Joshua 22:19 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Le fa go ntse jalo e ka re fa lefatshe la boswa jwa lona le itshekologile, foo lo kgabaganyetse kwano lefatsheng la boswa jwa ga Jehofa, le motlaagana wa ga Jehofa o agileng mo go lone, lo tseye boswa mo go rona; mme lo se ka lwa tsuololela Jehofa, le gone lo se ka lwa tsuololela rona, ka go ikagela sebeso kwa ntle ga sebeso sa ga Jehofa Modimo wa rona.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ha hatsi ya lona ya boshua le itsekologile, khabaganyetsañ kua hatsiñ ya boshua yoa ga Yehova, kua taberenakela ea Yehova e nntseñ gona, mi ruañ mo go rona: mi si cuuloleñ ha go Yehova, mi lo si cuulole ha go rona, ka go ikagela aletara bogolu go aletara ea ga Yehova Morimo oa rona.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Eupsa ge e ba naga ya lena e sa hlweka, gona tshelela nageng ya bohwa bja Jehofa, moo taberenakale ya Jehofa e lego gona, le o e tsee gare ga rena; eupsa o se ka wa rabela go Jehofa goba go rena, o age sebeso pele ga sebeso ya Jehofa Modimo wa rena.
Tswana Setswana 1970
Fa lo bona gore lefatshe la boswa jwa lona le itshekologile, tshelelang kwano lefatsheng le e leng la Morena le Tempelana ya Morena e leng mo go lone, lo age mo gare ga rona, mme lo se ka lwa tsogela Morena, le e seng go tsogela rona ka go ikagela aletare kwa ntle ga aletare ya Morena, Modimo wa rona.