Joshua 6:20 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jalo batho ba thela lošalaba, le baperesiti ba letsa dinaka: ga dirala, ya re batho ba utlwa modumo wa phala, batho ba thela lošalaba lo logolo, lorako lwa salalagana, mme batho ba palamela mo motseng, mongwe le mongwe fa go lebaganyeng nae, ba thopa motse.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ka ba letsa literompeta, bathu ba thela leshoa: mi ga rihala ka bathu ba utlua tumo ea literompeta, bathu ba thela leshoa ka leshoa ye legolu, mi lorako loa salalagana, mi bathu ba palamela motse, moñue le moñue go lebagana nae, mi ba thopa motse.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Setshaba sa goeletsa, baperisita ba letsa diphalafala; ge setshaba se ekwa modumo wa phalafala, le setshaba se goeletsa ka mokgosi o mogolo, morako wa wela fase, moo setshaba sa rotogelago. Ba tsena motseng, yo mongwe le yo mongwe a le ka lehlakoreng la gagwe, ba thopa motse.
Tswana Setswana 1970
Ke fa batho ba thela lešalaba, ba letsa dinaka; ya re batho ba utlwa lonaka lo lela, batho ba thela lešalaba le legolo; ke fa lobota lo wela fa lo leng teng, mme batho ba tlolela mo motseng mongwe le mongwe fa go lebaganyeng nae. Ba thopa motse jalo.