Jude 1:11 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
A bo go latlhega bone! Gonne ba tsamaile ka tsela ya ga Kaine, ba siana ka go phomegela mo timelong ya ga Balaame ka go itaola, gore ba tle ba bone tuelo; ba swela mo tsuololong ya ga Kora.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Go latlega bona! gone ba ile ka tsela ea ga Kaene, mi ba phomegetse tuelo mo cokamoñ ea ga Balame, mi ba nyelericoe mo khañyeñ ea ga Kore.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
A bo go latlhega bone, gonne ba latela sekao sa ga Kaene yo o neng a bolaya monnawe, fela jaaka Balaame, ba tlaa dira le fa e le eng ka ntlha ya go rata madi, le jaaka Kora, ga ba a ka ba reetsa Modimo, mme ba tlaa swela mo phutsong ya One.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ba madimabe! gobane ba ile ba sepela tseleng ya Kaine, leka megabaru ba kitimela phoso ya Bileama bakeng sa moputso, leba fediswa ka go ganetsana ga Core.
Tswana Setswana 1970
A tatlhego ya bone wee! Gonne ba tsamaile ka tsela ya ga Kaine, ba itatlhela mo timelong ka ntlha ya tuelo jaaka Bileame, ba latlhega ka go rukhutlha jaaka Kora.