Jude 1:12 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ba ke bone mafika a a ikepetseng mo medirong ya lona ya dithato, mogang ba jang modiro le lona, ke badisa ba ba ikotlang ba se na poifo; ke maru a a se nang metsi, a a tsamaisiwang ke diphefo; ke ditlhare tsa Gwetla tse di se nang loungo, tse di suleng tsa ba tsa swa, tsa khumolwa ka medi.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ba ki bona libata mo merihoñ ea lona ea lorato, ka ba riha moriho le lona; barisa ba ba iphurisañ esiñ ka poiho; ba maru a a sinañ metse, a a khuerioañ, a retololoa ki lipheho; ba litlare tse ri sinañ louñuo mo thoboñ, li shule ga tu, li khumocoe ka mecoe;
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme fa banna ba ba ikopanya le lona mo meketeng ya lorato ya phuthego ke dilabe tse di maswe mo gare ga lona, ba a tshega ba tsweletse pele, ba bohula ba ikatela dijo ba sa akanyetse ba bangwe ba tshwana le maru a a kgokgoediwang ke phefo mo lefatsheng je le omeletseng a sena pula, ba solofetsa go le gontsi mme go se na sepe. Ba tshwana le ditlhare tsa maungo tse di senang sepe ka nako ya thobo, ga ba a swa fela, ba sule mo go menaganyeng, gonne ba epolotswe gotlhe ka medi go fisiwa.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Tse ke mabala menyanyeng ya lena ya lerato ge le eja le lena, le iphepa ka ntle le poifo; dihlare tseo dienywa tsa tsona di omeletsego, tse di se nago dienywa, di hwile gabedi, di gagotswe ke medu;
Tswana Setswana 1970
Bao ke dibala tsa ditlhong mo meletlong ya lona ya lorato, ga ba boife go ja le lona le go inontsha fela. Ke maru a a se nang metsi, a a kgweediwang ke diphefo; ke ditlhare tsa mariga tse di se nang maungo, tse di suleng gabedi, di kumotswe.