Jude 1:4 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Gonne go na le batho bangwe ba ba kukunetseng mo teng, e bong ba ba baakanyeditsweng tshekiso e, gale bogologolo; e le batho ba ba sa reng Modimo sepe, ba fetola tshegofatso ya Modimo wa rona bopepe, ba itatola yo e leng ene Mong wa rona le Morena wa rona yo o esi, e bong Jesu Keresete.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Gone bathu bañue ba gagabetse mo teñ, ba erileñ pele bo ba laolecoe tsekisho e, baikepi, ba ba hetolañ tsegohaco ea Morimo oa rona boaka, ba latola Morena Morimo osi, le Yesu Keresete Morena oa rona.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme ke bua ka ntlha ya gore Baruti bangwe ba ba senang bo-Modimo ba setse ba itshukunyeditse mo gare ga lona, ba re, fa re sena go nna Bakeresete re ka itirela go rata re sa boife kwatlhao ya Modimo. Tshenyego ya batho ba ba ntseng jalo e kwadilwe bogologolo gonne ba furaletse Mmusi yo e leng ene fela ka nosi Morena wa rona Jesu Keresete.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Gobane go na le banna ba bangwe bao ba khukhunetsego ka go se lemoge, bao pele ba bego ba reretswe kahlolo ye, e lego batho ba kgopo bao ba fetosago kgaugelo ya Modimo wa rena gore e be go se kwe leba latola Morena Modimo a nnosi le Morena wa rena Jesu Keresete.
Tswana Setswana 1970
Gonne go itshusumeditse batho bangwe ba e sa leng bogologolo ba kwaletswe katlholo ya go re: Ke baikepi ba ba fetolang bopelotlhomogi jwa Modimo wa rona boitaolo, mme ba itatola Molaodi yo o tlhelele, Morena wa rona Jesu Keresete.