Judges 1:15 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
A mo raya, a re: “Nnaya lesego; e re ka o mpeile mo lefatsheng la Borwa, a ko o nneye metswedi ya metsi.” Mme Kalebe a mo naya metswedi ya godimo le metswedi ya tlase.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a mo raea, U ’nnee letsego; gone u ’nneile naga ea Souta: u ’nnee le eona mecoeri ea metse. Mi a mo naea mecoeri ea kua gorimo, le mecoeri ea kua tlatse.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Mosadi a re go yena: “Mphe tshegofatso, gobane o mphile naga ya borwa; mphe didiba tsa metsi. Ka gona Kalebe a mo nea didiba tsa ka godimo le tsa ka tlase.
Tswana Setswana 1970
Agesa a mo raya a re: “Mphe lesego la go ntsamaisa sentle; e re ka o mpeile kwa nageng e e sekaka ya borwa, ke kopa gore o mphe le metswedi ya metsi.” Ke fa Kalebe a mo naya metswedi e e kwa godimo le e e kwa tlase.