Judges 1:33 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Nafetali ga a ka a leleka banni ba Bethešemeše, le fa e le banni ba Bethanathe; mme ba aga mo gare ga Bakanana, banni ba lefatshe; le fa go ntse jalo banni ba Bethešemeše le banni ba Bethanathe ba nna bakgethedi ba bone.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Mi Banafetala ba si ka ba leleka banni ba Beta‐shemesha, le esiñ banni ba Beta‐anata; mi ba bo ba nntse le Bakanana, ba e leñ banni ba lehatsi: leha gontse yalo banni ba Beta‐shemesha le ba Beta‐anata ba na bakhethi ba bona.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Le gona Nafutali ga se a ka a raka badudi ba Betheshemeshe le badudi ba Bethanathe; eupsa o be a dula gare ga Bakanana, badudi ba naga; eupsa badudi ba Bethe-Shemeshe le Bethe-Shemeshe e be e le melapo ya bona.
Tswana Setswana 1970
Le Banafetale ba se ka ba leleka baagi ba Betšhemeše le baagi ba Bethanathe; ba nna jalo mo gare ga Bakanana baagi ba lefatshe. Mme baagi ba Betšhemeše le ba Bethanathe ba nna balala ba bone.