Judges 8:27 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Giteone a dira ka tsone sekhutlana, a se baya mo motseng wa gagwe e bong mo Ofera; mme Baiseraele botlhe ba se akafalela se le teng; mme ya nna seru mo go Giteone le ntlo ya gagwe.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi Gideone a riha efoda ka cona, a e baea mo motseñ oa gague, eboñ kua Ofera: mi Bayeserela ba e akahalela botle gona: mi e, e le le seru go Gideone, le ba eintlu ea gague.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Gideone a dira lesela ka lona, a le bea motseng wa gabo, kua Ofura, Baiseraele ka moka ya ya moo e le mogweba-ka-mmele.
Tswana Setswana 1970
Jaanong Giteone a dira khiba ya boperesiti ka tsona, a e lepeletsa mo Ofera motseng wa ga gabo, mme Baiseraele botlhe ba dira boaka teng ka go e obamela jaaka modimo wa seseto; ya nna serai jalo mo go Giteone le mo go ba lapa la gagwe.