Lamentations 2:6 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
O tlositse loobo lwa gagwe ka thata, jaaka e ka bo e le lwa tshimo; o sentse felo ga gagwe ga bophuthegelo; Jehofa o dirile gore phuthego e e masisi le sabata di lebalwe mo Sione, mo kgakalong ya bogale jwa gagwe o nyaditse kgosi le moperesiti.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi o tlositse logora loa gague yaka loa tsimo: o sentse helo ga kokoanelo ga gague: Yehova o lebaritse moletlo le sabata mo Tsiona, mi o latlile khosi le moperiseti ka bocarara yoa bogale yoa gague.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka moka a goga lepara la gagwe ka bogale, bjalo ka ge eka o tswile nageng; a senya mafelo a gagwe a go kopana; Morena o lebetse menyanya le Disabatha tsa Sione, le ka bogale bja gagwe o nyatse kgosi le moperisita.
Tswana Setswana 1970
A ithutlela moago jaaka logora lwa tshimo, a itshenyetsa felo ga meletlo; malatsi a meletlo le Sabata, Morena a a lebatsa mo Sione; kgosi le moperesiti, a ba latlha a gaketse bogaleng jwa gagwe.