Luke 1:13 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme moengele a mo raya a re: “Sakaria, o se ka wa boifa gonne thapelo ya gago e utlwilwe; mme mosadi wa gago Elisabethe o tlaa bona ngwana wa mosimane nao; mme o tlaa mo raya leina o re, Johane.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi moengele a mo raea, Sakaria, u si boihe, gone thapelo ea gago e utluiloe; mi mogaco Elisabete o tla gu belegela mosimane; mi leina ya gague u tla le bitsa Yohane.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme moengele a mo raya a re, “Se boife, Sakarea! Gonne ke tletse go go bolelela gore Modimo o utlwile thapelo ya gago le mosadi wa gago Elisabetha o tlaa tshola ngwana wa mosimane! Mme o tlaa mo raya leina o re Johane.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Eupsa morongwa a re go yena: Sakaria, o se ke wa boifa, gobane thapelo ya gago e arabilwe; mosadi wa gago Elisabetha o tla go belega morwa, leo mo ree leina la Johane.
Tswana Setswana 1970
Moengele a mo raya a re: “Sagaria, ò se ka wa boifa; gonne thapelo ya gago e utlwilwe. Elisabete, mosadi wa gago, o tla go belegela ngwana wa mosimane, mme ò bitse leina la gagwe Johane.