Luke 1:36 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Bona, Elisabethe wa losika lwa gago, le ene o ithwele ngwana wa mosimane mo botsofeng jwa gagwe; mme e, ke yone kgwedi ya borataro mo go ene yo o neng a bidiwa moopa.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi bona, le ena Elisabete, tsala ea gago, o ithuele mosimane mo bocoheñ yoa gague; mi khueri e, e le ea bo‐sekes ea gague, eo o birioañ moopa;
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mo godimo ga moo, Elisabetha ntsalao wa ‘moopa’ jaaka a bidiwa-o setse a na le dikgwedi di le thataro a ithwele mo botsofeng ja gagwe!
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Lebona, motswala wa gago Elisabetha, le yena o ile a ima morwa ka mengwaga ya gagwe; ke kgwedi ya botshelela le yena yo a bego a bitswa moopa.
Tswana Setswana 1970
Bona, Elisabete wa ga eno le ene o ithwele ngwana wa mosimane mo botsofeng jwa gagwe; kgwedi eno ke ya borataro ya gagwe, ene yo o neng a bidiwa moopa.