Luke 10:21 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ya re mo lobakeng loo Jesu a itumela ka Mowa o o Boitshepo a re: “Ke a go leboga, Rra, Morena wa legodimo le lefatshe; ka gobo dilo tse o di lobetse ba ba botlhale le ba ba tlhaloganyang, mme o di senoletse banyana ba bannye; ee, Rra, gonne go ne go le kgatlhego mo matlhong a gago gore go nne jalo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Yesu a itumela mo moeeñ mo oureñ ouo, mi a re, Kia gu itumelela, Rra, Morena oa legorimo le lehatse, ka u shubile lilo tse mo matlaliñ, le ba ba tlaloganyañ, mi u li bonaritse mo banyaneñ ba banye: E, Rra; gone gole gole khatlego ha pele ga gago.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme a tlala boitumelo jwa Mowa O O Boitshepo a re, “Ke a go baka, Rara Morena wa legodimo le lefatshe, ka go fitlhela ba ba nang le ditlhaloganyo le botlhale, dilo tse, mme wa di senolela ba ba ikanyegang jaaka bana. Ee, ke a leboga, gonne ke ka fa o batlileng ka teng.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka nako yeo Jesu o ile a thaba moyeng lea re: Ke a go leboga, Tate, Morena wa legodimo le lefase, ka ge o utetse batho ba bohlale le ba bohlale dilo tse lewa di utollela bana ba bannyane; ka gobane ke ka fao e bego e bonala gabotse mahlong a gago.
Tswana Setswana 1970
Ka yona nako eo Jesu a ipela mo Moweng o o Boitshepo a re: “Ke a go leboga, Rara, Morena wa legodimo le lefatshe ka gonne dilo tse o di subetse ba ba botlhale le ba ba tlhaloganyang, mme o di senoletse ba e leng bana. Ee, Rara; gonne go ne go go kgatlha jalo.