Luke 11:29 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
E rile matshutitshuti a batho a phuthegela kwa go ene, a simolola go re: “Losika lo, ke losika lo lo bosula; lo batla sesupo; mme ga lo ketla lo newa sesupo, fa e se sesupo sa moperofeti Jona.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Mi ka bontsintsi bo kokoana seima, a simolola go re, Lo, ki losika lo lo boshula; lo batla seshupo; mi ga lo kitla lo neoa seshupo, ha e si seshupo sa ga Yone moperofeti.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Ya re bontsi jwa batho bo ntse bo ikgotlhaganyetsa mo go ene, a ba rerela thero e, a re: “Dipaka tseno ke tse di bosula, tsa batho ba ba bosula. Ba tswelela ka go kopa tiragalo e e sa tlwaelesegang mo loaping [gore ke supe gore ke Mesia], mme kgakgamalo e ke tlaa ba e nayang fela ke ele ya ga Jona, yo dikai tsa gagwe di neng tsa supegetsa batho ba Ninefe gore o rometswe ke Modimo. Sekai sa me se se tshwanang le sone se tlaa supegetsa batho ba gore ke romilwe ke Modimo.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Lege batho ba kgobokana, A thoma go re: Ye ke moloko wo mobe; ba nyaka seka; e ka se fiwe pontsho ge e se pontsho ya moporofeta Jona.
Tswana Setswana 1970
E rile bontsi bo phuthega, a simolola go bua a re: “Losika lo ke lo lo bosula; lo batla sesupo; mme ga lo kitla lo newa sesupo sepe, fa e se sa ga Jona moporofeti.