Luke 12:1 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Gone foo, fela go sena go phuthega boidiidi jwa batho, ba ba ba tla ba ba katakalana, a simolola go raya barutwa ba gagwe sa ntlha a re: “Lo itise mo sebedisong sa Bafarisai, se e leng boitimokanyo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
KA e sale yalo, ga phuthega bothousanda yo bontsi yoa bathu, ga tsamaea yoa katakalana, a simolola go raea barutoa ba gague. Ga ntla, lo itise mo seberishoñ sa Bafarisai, se e leñ boitimokanyo.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme ya re ka lobakanya na loo bontsintsi jwa batho jwa ntsifala go fitlhelela ba nna diketekete ba bo ba hereetsega ba gatakana. Mme Jesu a retologela kwa barutweng ba gagwe a ba tlhagisa a re, “Mo godimo ga dilo tsotlhe, lo itlhokomeleng mo Bafarasaing ba, le ka mokgwa o ba ipayang jaaka ba siame mme ba sa siama. Mme boitimokanyi jo bo kana ga bo ka ke jwa fitlhegela ruri.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Mo nakong ye, ge go be go kgobokane lesaba le le sa balegego la batho, moo ba ilego ba gatana, o ile a thoma go bolela go barutiwa ba gagwe gore: Hlokomela komelo ya Bafarisei, ke boikaketsi.
Tswana Setswana 1970
E rile go sa le jalo, diketekete tsa batho di sena go phuthega, mo ba bileng ba gatana dinao, a simolola go bua pele le barutwa ba gagwe a re: “Itiseng mo matlhabegong a Bafarisai, a e leng boitimokanyo.