Luke 12:48 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme yo o se kang a itse, mme a dira dilo tse di tshwanetseng dithupa, o tlaa bediwa dithupa di le dipotlana. Le gone, le fa e le mang yo o neilweng segolo, go tlaa lopiwa segolo mo go ene; le motho yo batho ba mo neetseng go le gotona, ba tlaa lopa mo go fetisang mo go ene.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ena eo o la a sa ka a itse, mi a rihile tse ri cuanetseñ lipeco, o tla berioa ka lipeco tse li potlana. Mi leha e le mañmañ eo o necoeñ bogolu, o tla lopioa bogolu: mi eo o ikancoeñ bogolu ki bathu, o tla lopioa bogolu ki bona.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
“Mme le fa e le mang yo o sa itseng gore o dira phoso o tlaa otlhaiwa fela go le gonnye. Mo go tona go batlwa mo go ba ba neilweng mo go tona, gonne boikarabelo jwa bone bo bo tona.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Eupsa yo a sa tsebego le go dira dilo tse di swanetsego go bethwa, o tla bethwa ka dikotlo tse sego kae. Gobane yo a filwego mo gontsi, o tla nyakega mo gontsi; leyo setshaba se mo gafetsego mo gontsi, ba tla mo kgopela le go feta.
Tswana Setswana 1970
Mme yo o se kang a itse, mme a dira tse di tshwanetseng kotlo, o tla bediwa go le gonnye. Mongwe le mongwe yo o neetsweng tse dintsi, go tla batlwa tse dintsi mo go ene; yo o filweng taolo mo go tse dintsi, go tla batlwa tse di fetisang mo go ene.