Luke 14:12 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Le gone a raya yo o mo laleditseng a re: “E re fa o dira modiro wa motshegare le fa e le wa maitseboa, o se ka wa laletsa ditsala tsa gago, le fa e le bana ba ga rraago, le fa e le ba losika lwa gago, le fa e le bagaeno ba ba humileng; e se re kgotsa le bone, ba ba ba go bitsa, mme tuelo e go dirafalele.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Mi le gona a raea ena eo o miritseñ, Ere ha a riha moriho oa motsegare, khotsa oa selalelo, u si bitse tsala tsa gago, le esiñ bana ba ga rago, le esiñ tsala tsa mari tsa gago, le esiñ bañ ka uena ba ba humileñ, gore e si re khotsa ba ba ba gu bitsa ka motla moñue, mi tuelo ea gu rihahalela.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Hong a retologela kwa go yo o mo laleditseng a re, “E re fa o dira dijo, o se ka wa laletsa ditsala, bomorwarrago, bagaeno, le bahumi! Gonne le bone ba tlaa go laletsa.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ke moka a re go yo a mo laelago: “Ge o dira dijo goba dijo, o se ke wa bitsa bagwera ba gago goba bana beno goba ba leloko goba baagisani ba gago ba bahumi; gore le bona ba se ke ba go rapela gape leba amogela tefo ya gago.
Tswana Setswana 1970
Le gona a raya ene yo o mo laleditseng a re: “E re fa o dira sefitlholo gongwe selalelo, o se ka wa laletsa ditsala tsa gago, le e seng bana ba ga rraago, le e seng ba ga eno, le e seng ba ba bapileng nao ba ba humileng, e se re gongwe le bone ba tloga ba go laletsa, mme wa boelwa.