Luke 16:24 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme a goa a re: ‘Aberahame, Rra, nkutlwela botlhoko, o rome Lasaro, gore a tle a ine ntlha ya monwana wa gagwe mo metsing, a ntsidifatse loleme, gonne ke tlhokofadiwa mo gogolo mo kgabong e.’
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a bitsa, a re, Aberahama, rra, ’nkutluela botluku, mi u rome Lasaro, gore a ine ntla ea monuana oa gague mo metsiñ, a ’ntsirihatse loleme; gone ki mo botlukuñ mo khabuñ e.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
“Mme a goa a re Rre Aberahame, Nkutlwela botlhoko! romela Lasaro kwano fela gore a ine ntlha ya monwana wa gagwe mo metsing go ntsidifatsa loleme, gonne ke mo tlhokofatsong e e maswe mo dikgabung tse.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Lea goeletsa a re: Tate Aberahame, nkgaugele o rome Latsaro, gore a ine ntlha ya monwana wa gagwe ka meetseng lea fodise leleme la ka; gobane ke tlaiswa ke kgabo ye.
Tswana Setswana 1970
Ke fa a kua a re: ‘Rara Aborahame, nkutlwele botlhoko, o rome Lasaro gore a ine ntlha ya monwana wa gagwe mo metsing, a ntsidifatse loleme; gonne ke utlwa botlhoko mo kgabong e.’