Luke 16:26 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Bogolo go tsotlhe tse, fa gare ga rona le lona, go tlhomilwe phatlha e kgolo e e se nang bogato; gore ba ba kwano, ba ba ratang go fetela koo go lona, ba retelelwe; le koo ba ba ratang go tla kwano go rona, ba retelelwe.’
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi bogolu mo go cotle tse, phatla e kholu e tlomiloe ha gare ga rona le lona; ki gona ba ba kuanu ba ba ratañ go ea go lona, ba reteleloa; le koñ ba ba ratañ go tla go rona, ba reteleloa.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Gape kwa ntle ga moo, go na le phata e tona e e senang bolekeletso, e e re kgaoganyang, mme mongwe yo o batlang go tla kwa go wena a tswa fano o kganelwa ke losi lwa yone; le gone ga go ope yo o ka kgabaganyetsang ka kwano go rona’.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka ntle le tse ka moka, go hlomilwe sekgoba se segolo magareng ga rena le lena, moo bao ba nyakago go tshela go tloga mo go ya go wena ba ka se kgonego; le gona ga ba kgone go feta go rena, yeo e bego e tla tswa moo.
Tswana Setswana 1970
Mme kwa ntle ga tsotlhe tseo go na le kgophu e kgolo fa gare ga rona le lona, gore ba ba kwano ba ba ratang go fetela go lona, ba retelelwe, le ba ba koo, ba ba ratang go tla kwano go rona, ba palelwe.’