Luke 17:2 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Go ka bo go le molemo bogolo mo go ene fa lolwala lo ka bo lo gokeletswe mo thamong ya gagwe, mme a thabuediwa mo lewatleng, bogolo go fa a ka bo a kgopisa mongwe wa ba babotlana ba.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Go kabo gole molemo go ena ha tlapa ya tsilo le golegecoe mo thamuñ ea gague, mi a rigecoe mo leoatleñ, bogolu go khopisa moñue oa ba botlana ba.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Fa a ne a latlhetswe mo lewatleng ka lentswe le legolo le fapeletswe mo molaleng wa gagwe, o ne a ka bo a le botoka thata go na le go otlhaelwa go tlhokofatsa mewa ya ba bannye ba. Ke a lo tlhagisa! Kgalemela morwa-rrago fa a leofa mme o mo itshwarele fa a ipona molato.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Go be go le kaone go yena gore a fegilwe molala wa tshilo lea lahlelwe ka lewatleng, go e na le gore a kgopise yo mongwe wa bana ba ba banyenyane.
Tswana Setswana 1970
Go ka nna botoka mo go ene, fa lolwala lo ka gokelelwa mo molaleng wa gagwe, mme a digelwa mo lewatleng, bogolo go gore a kgopise mongwe wa ba babotlana ba.