Luke 18:14 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ke a lo bolelela, monna yo o fologetse kwa ntlong ya gagwe a siamisitswe bogolo go yo mongwe, gonne mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tlaa ngotlafadiwa; mme yo o ingotlafatsang o tlaa godisiwa.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Kia lo raea, Monona eo o hologetse kua tluñ ea gague a siamisicoe bogolu mo go eo moñue; gone moñue le moñue eo o ikhorisañ, o tla nolaharioa; mi eo o inolahatsañ, o tla gorisioa.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Ke a lo bolelela, moleofi yo, e seng Mofarasai, o ne a boela gae a itshwaretswe! Gonne baikgantshi ba tlaa ngotlafadiwa mme ba ba ingotlang ba tlaa godisiwa.”
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ke a le botsa gore monna yo o ile a theogela ntlong ya gagwe a lokafaditswe go e na le ba bangwe; gobane yo mongwe le yo mongwe yo a ikgodisago o tla kokobetswa; leyo a ikokobetsago o tla godiswa.
Tswana Setswana 1970
Ke lo raya ke re: Yo, o fologetse kwa ntlong ya gagwe a siamisitswe, e seng yole; gonne mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tla kokobediwa, mme yo o ikokobetsang o tla godisiwa.”