Luke 2:36 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ga bo go le mongwe go twe, Ana, moperofeti wa sesadi, morwadia Fanuele wa lotso lwa Ašere, a bo a tsofetse thata, mme a kile a nna le monna ka dinyaga di supa go tloga mo bokgarebaneng jwa gagwe.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Gabo gole Ane moperofeti oa sesari, moroaria Fanuele, oa losika loa Asera. Eo, o la a le mo bocoheñ yo bogolu, mi o la a aga le monona oa gague ka nyaga li seven, morago ga bokharebe yoa gague;
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Ana, moporofiti wa mosadi o na a le teng ka letsatsi leo. E ne e le morwadia Fanuela, wa morafe wa Sejuta wa ga Ashere, mme o ne a tsofetse, gonne e ne e le motlholagadi wa selekanyo sa dingwaga di le masome a fera bobedi le bone go tloga mo dingwageng di supa tsa lenyalo la gagwe, o ne a seka a tloga mo tempeleng mme a nna teng bosigo le motshegare, a obamela Modimo ka go rapela le go itima dijo gantsi.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Go be go na le Ana, moporofeta wa mosadi, morwedi wa Fanuele, wa moloko wa Ashere.
Tswana Setswana 1970
Le gona ga bo go le Hana moporofeti, morwadia Fanuele, wa lotso lwa ga Asere; yoo a bo a tsofetse thata, mme o ne a phedile le monna wa gagwe dinyaga tse di supang go tloga mo bokgarebeng jwa gagwe.