Luke 21:12 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
E tlaa re pele ga dilo tsotlhe tse, ba tlaa lo tsenya diatla, ba tlaa lo bogisa, ba tlaa lo isa tshekong mo matlong a thuto, ba lo tsenya mo matlong a kgolegelo, ba lo isa fa pele ga dikgosi le balaodi, ka ntlha ya leina la me.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi pele ga lilo tse li e si li ne, ba tla lo bela liatla tsa bona, mi ba tla lo bogisa, ba lo nela mo masenagogeñ, le mo matluñ a kholegelo; mi lo tla gogeloa ha pele ga likhosi le balaori ka ntla ea leina ya me.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
“Mme pele ga mo gotlhe go diragala; go tlaa nna le paka ya dipogiso, lo tlaa gogelwa mo disenagogeng mo dikgolegelong le fa pele ga dikgosi le balaodi ka ntlha ya Leina la Me.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Eupsa pele ga dilo tse ka moka ba tla le bea diatla, ba le tlaisa, ba le gafela disinagogeng le dikgolegong, ba tliswa pele ga dikgosi le babusi ka baka la leina la ka.
Tswana Setswana 1970
Fela, pele ga dilo tsotlhe tseo ba tla lo tshwara, ba lo bogisa, ba lo neela mo disenagogeng le mo matlong a kgolegelo, ba lo gogela fa pele ga dikgosi le balaodi ka ntlha ya leina la me.