Luke 21:34 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
“Lo itlhokomele, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imelelwa ke go kgora bobe, le go tagwa, le ke ditlhodiego tsa botshelo jono, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganetso jaaka seru;
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Mi lo itise gore pelu tsa lona li si imaharioe ki khokhomalo le tago, le papalelo tsa botselo yonu; gore motla ouo o si lo hitlele lo sa itebetse.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
“Itiseng! Lo se letle gore go tla ga me ka tshoganetso go lo fitlhele lo sa ipaakanya. Ke se ka ka lo fitlhela lo iketlile mo boatleng, kgotsa mo medirong ya botlhapelwa, lo gapilwe ke matshwenyego a botshelo jo, jaaka mo lefatsheng lotlhe.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Le itlhokomeleng gore dipelo tsa lena di se ke tsa imelwa ke go ruruga le botagwa le dipelaelo tsa bophelo bjo, leletsatsi leo le le fihlelele le sa lemoge.
Tswana Setswana 1970
“Lo itise, e se re gongwe dipelo tsa lona tsa imafadiwa ke bojabobe le botagwa le ditshwenyegelo tsa botshelo, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganyetso jaaka seru;