Luke 5:18 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme bonang, banna bangwe ba lere motho yo o tshwerweng ke go tetesela, ba mo tshotse ka bolao, ba batla ka fa ba ka mo isang mo teng ka teng, le go mmaya fa pele ga gagwe.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Mi bonañ, banona ba lere monona oa pobolo ea teteselo ka bolao: mi ba batla go mo tsenya mo teñ, go mo latsa ha pele ga gague.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme bonang! banna bangwe ba tlaa ba tshotse monna yo o suleng mofama a robetse mo phateng. Ba leka go itshukela mo gare ga bontsintsi jwa batho go ya kwa go Jesu mme ba se ka ba mmona. Jalo ba tlhatlogela mo ditlhomesong fa godimo ga gagwe, ba tlosa makote a a neng a khurumetse ditlhomeso mme ba baya fa fatshe monna yo o lwalang mo bontsintsing jwa batho, a ntse a robetse mo phateng, fa pele ga ga Jesu!
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Banna bao ba tlisa monna yo a golofetsego malaong, leba nyaka ditsela tsa go mo tsenya le go mo robatsa.
Tswana Setswana 1970
Mme bonang, banna bangwe ba tsisa motho ka diphate yo o suleng mhama, ba leka go mo tsenya mo teng le go mmaya fa pele ga gagwe.