Luke 7:6 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Foo Jesu a ya nabo. Ya re jaana a setse a se kgakala le ntlo, molaodi wa mophato a roma ditsala kwa go ene, tsa ya go mo raya tsa re: “Morena, o se ka wa itapisa, ka gobo ga ke a tshwanela fa o ka tsena kwano tlase ga ditlhomeso tsa me.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi Yesu a ea nabo. Mi erile yana a si khakala le ntlu, mosenturi a roma litsala go ena, tsa mo raea, Morena, u si itapise; gone ki sa cuanela gore u tle kua tlatse ga tlomesho tsa me:
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Jesu a tsamaya le bone; mme ya re pele ga ba goroga kwa tlung, moeteledipele wa masole a romela ditsala dingwe go ya gore, “Morena o se ka wa itapisa ka go tla kwa lwapeng la me, gonne ga ke a tshwanelwa ke tlotlo e e kalo kgotsa le fa e le go ka kopana nao, bua lefoko fela fa o leng teng mme motlhanka wa me o tlaa fola.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ke moka Jesu a sepela le bona. Ge a be a se kgole le ntlo, kgosana ya roma bagwera ba go feta lekgolo go yena gore ba re go yena: Morena, o se ke wa tshwenyega, ka gobane ga ke swanelwe ke gore o tsene ka fase ga marulelo a ka.
Tswana Setswana 1970
Foo Jesu a ya nabo. Jaanong ya re a sa tlhole a le kgakala le ntlo, molaodi-wa-lekgolo a roma ditsala kwa go ene, a mo raya a re: “Morena, se itshwenye, gonne ga ke a lekana gore o tsene ka fa tlase ga ditlhomeso tsa me.