Luke 9:12 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ya re letsatsi le simolola go fefa, ba ba 12 ba tla kwa go ene, ba mo raya ba re: “Phatlalatsa bontsi jo, jwa batho, gore ba ye kwa metseng le kwa metsaneng mo ntlheng tsotlhe, ba robale teng, ba bone dijo; gonne fano re mo gare ga naga fela.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi eare letsatsi le simolola go ñotlega, ba tuelev ba tla go ena, ba mo raea, Phatlalatsa bontsi, gore bo ee kua metseñ, le kua metsaneñ ea ntla cotle, bo robale gona, bo bone liyo, gone re hanu mo heloñ ga gareganaga.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mo tshokologong barutwa botlhe ba ba lesome le bobedi ba tla ba mo kopa gore a phatlalaletse batho kwa metsaneng le masimo a a gautshwane go ya go batla dijo le marobalo. Ba re, “Gonne ga go na se se jewang fa mo sekakeng se.”
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ge mosegare o thoma go hlaba, ba lesomepedi ba tla ba re go yena: “Roma lesaba, gore le ye metseng le dileteng leba robale bosego leba hwetse dijo; gobane re mo lefelong la leganateng.
Tswana Setswana 1970
E rile letsatsi le simolola go ngotlega, ba ba 12 ba tla kwa go ene, ba mo raya ba re: “Naya batho tsela gore ba ye kwa metsaneng le kwa merakeng mo tikologong, ba bone marobalo le dijo; gonne fano re mo sekakeng.”