Luke 9:22 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
a re: “Morwa Motho o na le go boga dilo di le dintsi, le go ganwa ke bagolwane le ke ditlhogo tsa baperesiti, le bakwadi, mme o tlaa bolawa, a ba a tsosiwa ka letsatsi la boraro.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
A re, Moroa mothu o cuanetse go boga lilo lintsi, le go nyarioa ki bagolu, le baperiseti ba bagolu, le bakuari, mi o tla bolaoa, mi o tla cosioa ka tsatsi ya bo teri.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
A re, “Gonne ke tlaa sotlega thata, e bile ke tlaa ganwa ke baeteledipele ba Sejuta, bagolwane, baperesiti ba bagolo le bomaitseanape ba molao, ke tlaa bolawa mme morago ga malatsi a mararo ke tlaa rula!”
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
lea re: Morwa wa motho o swanetse go tlaisega kudu lea lahlwe ke bagolo le baperisita ba bagolo le bamangwalo lea bolawe lea tsoswe ka letsatsi la boraro.
Tswana Setswana 1970
a re: “Morwa-Motho o tshwanetse go boga dilo tse dintsi, le go ganwa ke bagolo ba morafe le baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo le go bolawa le go tsosiwa ka letsatsi la boraro.”