Malachi 3:1 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
“Bonang, ke roma morongwa wa me, mme o tlaa baakanya tsela fa pele ga me. Jehofa yo lo mmatlang o tlaa tla mo tempeleng ya gagwe ka tshoganetso; morongwa wa kgolagano, yo lo itumelang mo go ene, bonang, o etla, go bua Jehofa wa masomosomo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
BONAÑ, ki tla roma moroñoi oa me, mi o tla bakanya tsela ha pele ga me: mi Morena eo lo matlañ o tla tla go tempela ea gague ka bonako, eboñ Moroñoi oa kholagano eo lo khatloañ ki ena; bonañ, o tla tla, go bua Yehova oa lintua.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Bonang, ka roma morongwa wa ka, le o tla lokisa tsela pele ga ka; gateetee Jehofa yo le mo tsomago o tla tla tempeleng ya gagwe, le motseta wa kgwerano yo le mo ratago; bona, o a tla, o re’alo Jehofa wa madira.
Tswana Setswana 1970
“Bonang, ke tla roma morongwi wa me gore a baakanye tsela fa pele ga me. Mme Morena yo lo mmatlang o tla tla kwa Tempeleng ya gagwe ka tshoganyetso, e bong moengele wa kgolagano yo o lo kgatlhang. Bonang, o e tla,” go bua Morena wa masomosomo.