Malachi 3:5 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
“Ke tlaa atamela kwa go lona mo tshekisong; ke tlaa nna mosupi yo o bofefo wa go supa baloi, le bagokafadi, le ba ba ikanang ka maaka; le ba ba patikang mothapiwa mo tuelong ya gagwe, le mosadi wa motlholagadi, le masiela, le ba ba faposang moeng mo tshiamelong ya gagwe, mme ba sa mpoife,” go bua Jehofa wa masomosomo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ki tla lo atamelela tsekisho; mi ki tla na moshupi eo o akohelañ baloi, le bagokahari, le ba ba ikanañ ka kako, le bona ba ba patikañ eo o lalericoeñ mo tueloñ, le motlolagari, le khutsana, ba ba haposañ moeñ, ba ba sa ’mpoiheñ, go bua Yehova oa lintua.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka tla batamela go lena bakang sa kahlolo; ka tla ba hlatse ya go akgofa malebana le baloi, le dihlotlolo, le bao ba enago maaka, le bao ba gatelelago mosomi yo a thwetswego ka moputso wa gagwe, kgahlanong le mohlologadi le badiidi, le kgahlanong le mosele yo a furalelago le letona la gagwe seatla ntle le poifo. Nna, o re’alo Jehofa wa madira.
Tswana Setswana 1970
“Ke tla lo atamela ka tshekiso ke le mosupi yo o bobebe, ke betsa badiri ba mereo ya boloi le ba ba itshepololang nyalo le ba ba ikanang ka maaka, le ba ba gatelelang badiredi ba bone mo tuelong le motlholagadi le khutsana, le ba ba siamololelang moeng, ba sa mpoife,” go bua Morena wa masomosomo.