Mark 10:21 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme Jesu a mo leba, a mo rata, mme a mo raya a re: “O tlhoka selo se le sengwe fela: Ya go rekisa tsotlhe tse o nang natso, o abele bahumanegi, mme o tlaa nna le khumo kwa legodimong; o bo o tle o ntshale morago.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi Yesu ka a mo leba, a mo rata, mi a mo raea, Ua tloka seo señue; ea, mi cotle tse u nañ naco u li bapatse, mi u li abele bahumanegi, mi u tla bona lohumo mo legorimoñ; mi u tle, u culetse mokoro, mi u ’ntsale morago.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme Jesu a ikutlwa a rata monna yo fa a mo leba, a mo raya a re, “O tlhoka selo se le sengwe fela, tsamaya o ye go rekisa dilo tsotlhe tse o nang natso mme o tseye madi o a abele bahumanegi mme o tlaa nna le khumo kwa legodimong, mme o tle o ntshale morago.”
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Jesu ge a mmona, a mo rata lea re go yena: Selo se tee seo o se hlokago: sepela o rekise tsohle tse o nago le tsona o di nee badiidi, leo tla ba le letlotlo legodimong; leo tle, rwale sefapano leo ntatele.
Tswana Setswana 1970
Jesu a mo leba, a mo rata, a mo raya a re: “O tlhoka selo se le sengwe fela; yaa o rekise tsotlhe tse o nang natso, o abele bahumanegi, mme o tla nna le lehumo kwa legodimong, o be o tle, o sikare sefapaano, o ntshale morago.”