Mark 10:32 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ba bo ba le mo tseleng ba tlhatlogela kwa Jerusalema; Jesu a ba eteletse pele; mme ba bo ba tseanye; le ba ba setseng morago ba boifa. Mme a tsaya gape ba ba 12, a simolola go ba bolelela dilo tse di tlaa mo dirafalelang.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Mi ba le ba le mo tseleñ ba ea kua Yerusalema, mi Yesu a tsamaea ha pele ga bona, mi ba gakhamala segolu; mi ka ba mo sala morago ba boiha; mi a ba a cula ba tuelev, mi a ba bulelela lilo tse ri tla mo khatlantsañ,
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme ya re ba le mo tseleng ba ya Jerusalema, Jesu a ba eteletse pele barutwa ba gagwe ba mo setse morago ba tlelwa ke poifo. Hong Jesu a ba tseela kwa thoko, a simolola gape go ba tlhalosetsa gotlhe mo go tlaa mo diragalelang fa ba goroga kwa Jerusalema.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ba be ba le tseleng ya go ya Jerusalema; Jesu a tswa pele ga bona, ba tlabega; lege ba dutse ba latela, ba tshoga. A busa a tsea ba lesomepedi, a thoma go ba botsa seo se bego se tla mo diragalela.
Tswana Setswana 1970
Jaanong ba ne ba le mo tseleng, ba ya kwa Jerusalema; Jesu a bo a ba eteletse pele, mme ba gakgamala, le ba ba mo latetseng ba boifa. Ke fa a tsaya ba ba 12 gape, a ba bolelela tse di tla mo dirafalelang