Mark 10:46 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ba fitlha kwa Jeriko; mme ya re a tswa mo Jeriko, a na le barutwa ba gagwe, le bontsi jo bogolo jwa batho, Baretimaeo morwa Timaeo, mokopi wa sefofu, a bo a dutse fa thoko ga tsela.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Mi ba hitla Yeriko, mi ka a coa Yeriko le barutoa ba gague, le bontsi yoa bathu, Timaio, moroa Baretimaio, oa sehohu, eo o luletseñ go kopa mo tseleñ,
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme ba fitlha kwa Jeriko. Ya re morago fa ba tloga mo motseng bontsi jwa batho jo bogolo jwa ba sala morago. Hong ga diragala gore monna wa sefofu wa mokopi yo o bidiwang Baratimaio (morwa Timaio) a ba a ntse fa thoko ga tsela fa Jesu a feta.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ba fihla Jeriko, lege a be a tloga Jeriko le barutiwa ba gagwe le batho ba bantsi, Bartimeo morwa wa Timaeo wa sefofu o be a dutse kgauswi le tsela a kgopela.
Tswana Setswana 1970
Jaanong ba fitlha kwa Jerigo. Mme ya re a tswa mo Jerigo, a na le barutwa ba gagwe le batho ba bantsi, mokopi wa sefofu, e bong Baratimeo, morwa Timeo, a bo a ntse fa tseleng.