Mark 11:33 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme ba fetola Jesu ba re: “Ga re itse.” Jesu a ba raya a re: “Le nna ga ke lo bolelele taolo e ke dirang dilo tse ka yone.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ka ba araba, ba raea Yesu, Ga re itse. Mi Yesu ka a araba a ba raea, Le ’na, ga ki lo bulelele thata e, ki rihañ lilo tse ka eona.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Hong ba re, “Ga re ka ke ra araba. Ga re itse.” Mme Jesu a fetola a re, “Le nna ga nkitla ke araba potso ya lona!”
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ba fetola ba re go Jesu: Re ka se bolele seo. Jesu a fetola a re go bona: Le nna ga ke le botse gore ke dira dilo tse ka maatla afe.
Tswana Setswana 1970
Ba araba Jesu ba re: “Ga re itse.” Jesu a ba raya a re: “Foo le nna ga ke lo bolelele gore ke dira dilo tse ka thata efe.”