Mark 12:5 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
A roma yo mongwe; ene ba mmolaya; le ba bangwe ba le bantsi; bangwe ba ba betsa, ba bangwe ba ba bolaya.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a ba a roma eo moñue, mi eo, ba molaea, le bontsi yo boñue; mi bañue ba ba betsa, mi ba bañue ba ba bolaea.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Monna yo mongwe yo o neng a mo romile o ne a bolawa; mme morago, ba bangwe ba ne ba itewa kgotsa ba bolawa,
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
A roma yo mongwe gape; le yena ba mmolaya, le ba bangwe ba bantsi; ba bangwe ba betha leba bangwe ba bolaya.
Tswana Setswana 1970
Jaanong a roma yo mongwe, mme ene ba mmolaya; le ba bangwe ba le bantsi; ba bangwe ba ba betsa, ba bangwe ba ba bolaya.