Mark 13:11 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme e tlaa re ba lo gogela kwa ditshekong, ba lo neela balaodi, lo se ka lwa tlhobaelela pele se lo tlaa se buang; fela se lo tlaa se newang mo nakong eo, lo bue sone fela, gonne e tlaa bo e se lona ba lo buang, e tlaa bo e le Mowa o o Boitshepo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ere ha ba lo goga go lo nela, lo si gakologeloe pele kaha lo tla buañ ka gona, mi lo si akanye; mi se lo tla se neoañ mo oureñ ouo, lo se bue, gone e si lona ba lo buañ, e le Moea oa Boitsepho.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme fa lo tshwarwa lo bo lo sekisiwa, lo se ka lwa tshwenyega kaga se lo tlaa se buang go iphemela. Buang se Modimo o lo bolelelang gore lo se bue. Gonne e tlaa bo e se lona lo buang mme e le Mowa o o Boitshepo.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Eupsa ge ba go eta pele ba go gafela, o se ke wa nagana e sa le pele ka seo o tlago go se bolela, leo se ke wa naganisisa e sa le pele; eupsa tsohle tseo o tlago go di fiwa ka nako yeo, o di bolela; gobane ga se lena le le bolelago, eupsa ke Moya o Mokgethwa.
Tswana Setswana 1970
E re fa ba lo isa go lo tsenya mo lekgotleng, lo se ka lwa itshwenya go sa le kwa pele ka ga se lo tla se buang; se lo tla se newang ka nako eo, lo se bue. Gonne e tla bo e se lona ba lo buang, mme e le Mowa o o Boitshepo.