Mark 15:1 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
E rile bosigo boo sa, ditlhogo tsa baperesiti di na le bagolwane le bakwadi, le botlhe ba lekgotla, ba epa pitso, mme ba golega Jesu, ba mo tlosa, ba ya go mo neela Pilato.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
MI eare go sa le mosho, baperiseti ba bagolu ba gakololana, le bagolu, le bakuari, le baseki botle; mi ba golega Yesu, ba mo isa, ba mo nela Pilato.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme ya re mo mosong ditlhogo tsa bapereesiti le bagolwane ba phuthego, baruti ba tumelo le botlhe ba Kgotla kgolo, ba kopana go buisana kaga se ba neng ba tshwanetse go se dira. Maikaelelo a bone e ne e le gore masole a ise Jesu kwa go Pilatwe mmusi wa Seroma.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Gateetee mesong baperisita ba bagolo ba swara lekgotla le bagolo le bamangwalo le lekgotla ka moka, leJesu a tlemiwa a iswa lea gafelwa Pilato.
Tswana Setswana 1970
E rile ka moso phakela baperesiti ba bagolo ba na le bagolo ba morafe le Baitsedikwalo le botlhe ba lekgotla ba akofa ba dumelana; mme ya re ba sena go golega Jesu, ba ya go mo neela Pilato.