Mark 3:7 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme Jesu a ngongwaelela kwa lewatleng a na le barutwa ba gagwe; mme bontsi jo bogolo jwa batho ba ba tswang Galilea jwa mo sala morago, le ba ba tswang Jutea.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi Yesu a hurugela le barutoa ba gague kua leoatleñ, mi bontsi yo bogolu yoa Galilea, le Yuda, yoa mo sala morago;
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Erile ka lobakanyana, Jesu, le barutwa ba gagwe ba ya kwa lotshitshing lwa lewatle, ba setswe morago ke bontsintsi jwa batho go tswa mo tikologong yotlhe ya Galalea, Judea Jerusalema, Idumea le kwa moseja ga Noka ya Jorodane, le go tswa bokgakala jo bo kanang ka Ture le Sidona. Gonne dikgang ka ga dikgakgamatso tsa gagwe di ne di utlwetse kwa kgakala le ka bophara mme batho ba le bantsi ba tla go iponela ka matlho.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Eupsa Jesu a boela lewatleng le barutiwa ba gagwe, lelesaba le legolo la mo latela go tswa Galilea le Judea.
Tswana Setswana 1970
Jesu a thobela kwa letsheng, a na le barutwa ba gagwe; mme bontsi jo bogolo jwa batho jwa mo latela, jo bo tswang kwa Galelea le kwa Jutea,